Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga laesense ya moithuti wa go kgweetsa
Laesense ya go ithuta go kgweetsa e go letla go kgweetsa fela fa o le ka fa tlase ga tlhokomelo ya mokgweetsi yo o nang le laesense. Fa setlhopha sa serori se se kgweediwang se tlhoka gore o nne le tetla ya seporofešenale ya go kgweetsa, mokgweetsi yo o nang le laesense o tshwanetse go bo a na le tetla ya seporofešenale ya go kgweetsa.
Laesense ya go ithuta go kgweetsa ke tetla e e netefatsang gore o na le kitso ya motheo ya serori le melao ya tsela. Laesense ya go ithuta go kgweetsa e tlhomame dikgwedi di le 24 mme nako e e ka se atolosiwe.
Dilaesense tse di farologaneng di ntshiwa mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa dirori:
- Khoutu ya 1: E ke ya sethuthuu se se se nang kolotsana e e bewang mo thoko ga sona, sethuthuu sa maotwana a le mararo, sethuthuu sa maotwana a le mane. O tshwanetse go nna le bonnye dingwaga tse 16 ka letlha la go dira kopo fa e le gore enjene ya sethuthuu seo ga e fete 125cc, le bonnye dingwaga tse 18 fa e le gore e feta 125cc.
- Khoutu ya 2: E ke ya serori, go akaretsa le bese e nnye, bese kgotsa serori sa dithoto, se se nang le boima jotlhe jwa serori jo bo sa feteng 3 500kg. O tshwanetse go nna le bonnye dingwaga tse 17 ka letlha la teko gore o kgone go tsenya kopo.
- Khoutu ya 3: E ke ya serori se se nang le boima jotlhe jo bo fetang 3 500kg. O tshwanetse go nna le bonnye dingwaga tse 18 ka letlha la teko gore o kgone go tsenya kopo.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela lefelo la teko ya laesense ya go kgweetsa (DLTC) go beeletsa letlha la teko le go tlhomamisa peelano.
- O tshwanetse go ya le tse di latelang:
- lekwaloitshupo (ID)
- dinepe tse pedi tsa ID tsa mmala o mosweu le o montsho
- tuelo ya peeletso.
- Tlatsa foromo ya Kopo ya Moithuti wa go kgweetsa (LL1), e e leng teng mo DLTC. Fa o le dingwaga tse 65 kgotsa go feta o tshwanetse go tlatsa le foromo ya setifikheiti as boitekanelo (MC), se se bonwang teng kwa DLTC.
- O tla dira teko ya matlho kwa lefelong la teko kgotsa, o ka nna wa dira teko ya matlho kwa ngakeng ya matlho e e nang le dithutego le go romela foromo kwa lefelong la teko.
- Pele o kwala teko ya laesense ya go ithuta, o tshwanetse go ithuta matshwao a tsela, taolo ya serori le melao ya tsela go nna le kitso ya motheo ya serori le matshwao a tsela.
- Ka letsatsi la teko o tshwanetse go bo o tshotse tse di latelang:
- setlankana sa peeletso
- ID ya gago.
- Fa o falola teko o tshwanetse go duela madi la thebolo.
Nako ya tiragatso
Laesense ya go ithuta go kgweetsa e rebolwa ka letsatsi le le lengwe fa o falotse.
Diforomo tse di tladiwang
- Foromo ya Kopo ya Moithuti wa go kgweetsa (LL1)
- Modirakopo yo o kwa godimo ga dingwaga tse 65 o tlhoka foromo ya Setifikheiti sa Boitekanelo (MC).
Diforomo tse di teng kwa tikwatikweng ya teko ya dilaesense tsa go kgweetsa kgotsa mo go eNatis.