Lefapha la Thuto ya Motheo kgotsa lefapha la thuto la porofense le tla go neela sešwa lekwalonetefaletso la materiki ka fa tlase ga maemo a a rileng.
Go fetola dntlha tse di tlhagelelang molekwalonetefaletsong la gago la materiki, o tshwanetse go dira kopo kwa Lefapheng la Thuto ya Motheo kgotsa kwa lefapheng la thuto la porofense la gaeno ka go tlatsa foromo e e matshwanedi (Kopo ya Diphetogo/Ditshiamiso tsa dintlha tse di ka ga bowena: Diphoso tsa Botsamaisi kgotsa kopo ya go neelwa sešwa lekwalonetefaletso la materiki (NSC) ka ntlha ya diphetogo tsa dintlha tse di ka ga bowena: Diphetogo tsa Semolao). O tshwanetse go leba kwa kantorong ya lefapheng le le gaufi nao la thuto ka bowena gore modiredipuso a go botsolotse dipotso pele ba ka diragatsa diphetogo tseo.
O ka ikopela gape le lekwalo la dipholo tsa gago tsa materiki fa o santse o letile gore go gololwe lekwalonetefaletso la gago.
Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga ikgolaganye le .
- National office: 012 357 4511/13
E-mal: certification@dbe.gov.za - Eastern Cape: (043) 604 7709/73
- Free State: (051) 404 8000
- Gauteng: (011) 355 0588
- KwaZulu Natal: (031) 327 0538/0331
- Limpopo: (015) 290 7747/7830
- Mpumalanga: (013) 766 0033
- Northern Cape: (053) 839 6585
- North West: (018) 384 3100/51
- Western Cape: (021) 467 2483